DEMO - PREVIEW
Question:
1 / 1
DEMO
Time Remaining:
00:00:00

3.1. Buisa tshekatsheko e e fa tlase mme morago o be o araba dipotso tse di tlaa latelang. ( 17 )

1. Morutabana wa Kgato ya Magareng wa barutwana ba Mophato 7 ba Setswana

Puotlaleletso ya Ntlha Rre Legodi, o lemogile fa bontsi jwa barutwana mo

phaposing ya gagwe ba sa tshwarelele dilo ka go tshwana. O lemogile gore fa a

ruta dikgono tsa kitsopuiso-kwalo ya pono ya bokanoki, o tlhoka go dirisa malepa

a a farologaneng ka gonne bontsi jwa barutwana ba sa ntse ba sa kgone go

lemoga mafoko, medumo ditlhaka mo polelong. O lemogile gore go sa

tlhaloganye dikarolwana tse tsa polelo go tlisa ketsaetsego mo barutwaneng ka

bo ka se tlhaloganye le bokao jwa polelo kana go e tlisa mo tirisong.

2. Rre Legodi, ga a tla a latlhela toulo, o lemogile gore a dirise malepa a

segompieno a borutabana go nolofaletsa barutwana go lemoga mafoko ka

go dirisa dilo tse ba di ratang. simolotse a dirisa ditshwantsho, ditshamekisi,

le maugo a a rategang, jalo le jalo go dira tlotlofoko e barutwana botlhe ba e

fitlhelelang mo phaposing. Go ya ka Rre Legodi, o lemogile gore gona le baithuti

ba ba tlhaloganyang botoka fa ba

bapisa se ba se rutiwang mo phaposing le selo se ba se itseng sa boammaaruri.

Bangwe ba tlhaloganya ka go bona ka matlho, fa ba bangwe ba ithatela go reetsa

ka tsebe mme ba kgone go araba dipotso tse di mabapi le se ba se reeditseng.

     3. Maemo a a farologaneng a a barutwana ba ga Rre Legodi ke ona a mo   

        tlhotlheleditseng go leka go dirisa mekgwa e le mmalwa ya go ruta dikgono 

       tsa go buisa le go lebelela, temogo ya mafoko, ditlhaka, medumopuo mo           

       polelong go ba kgontsha go akanya le go tlisa mafoko mo bokaong jo bo       

       maleba.

 

SEKAO TLOTLOFOKO YA BARUTWANA BA PUOTLALELETSO YA NTLHA


3.1. Buisa tshekatsheko e e fa tlase mme morago o be o araba dipotso tse di tlaa latelang.

                                  [Senopotswe go tswa mo go: https://www.bing.com/images/

a.    O tlhaloganya eng mabapi le tshekatsheko e e fa godimo?

       Kwala ka mafoko a gago mme o ikaegile ka ditiragalo tse di mo tshekatshekong. (2)

b.    Go ruta barutwana ba Puotlaleletso ya Ntlha go tla ka dikgwetlho tse di farologaneng,

       ka jalo ke matsapa afe a a tserweng ke morutabana go rarabolola mathata a neng a

       kopana le ona? (3)

c.    Tlhalosa gore go tewa jang fa go twe Rre Legodi ‘ga a tla a latlhela toulo’? Tlhalosa

       ka mafoko a gago. (2)

d.    Morutabana o itemogetseng gore a fetole mokgwa wa gagwe wa go ruta?

       Tlhalosa ka go neela makoa a a lemogileng mo  barutwaneng a a mo

       tlhotlheleditseng gore a feleletse a fetola dilo mo phaposing. Neela a le mararo. (3)

e.    A o dumela gore mokgwa o Rre Legodi a o dirisitseng o ka natlafatsa dikgono

      tsa barutwana tsa kitsokwalo ya pono ya bokanoki? (2)

f.    Go dirisa tlotlofoko ga morutabana phaposing go ka thusa jang barutwana fa go

      buisiwa setlhangwa mo phaposing? (2)

g.   Sekaseka dikakanyo tse dingwe tse morutabana a ka di dirisang go ntlafatsa

      dikgono tsa kitsokwalo ya pono ya boranoki mo phaposing. Neela di le tharo fela.(3)




      
 
Copyright © SantsLMS 2024