DEMO - PREVIEW
Question:
1 / 1
DEMO
Time Remaining:
00:00:00

POTSO 2( 25 )

2.1. Buisa temana e e fa tlase mme morago o be o araba dipotso tse di tlaa latelang.( 25 )

 

                     Barutwana ba Setswana Puotlaleletso ya Ntlha

Mme Rakola ke morutabana wa barutwana ba Setswana Puotlaleletso ya Ntlha ba Mephato ya Magareng. Phaposi ya gagwe ena le barutwana ba ba lekaneng, Mme Rakola o dirisa maitemogelo a gagwe a go ruta barutwana ba e leng gone ba kopanang le puo le kgetho la ntlha. Mo dingwageng tsa gagwe tsa borutabana o lemogile gore ga go bonolo go ruta barutwana ba Puotlaleletso ka Ntlha ya fa e se puo e ba godileng ka yona. Go dira tiro ya gagwe bonolo, Mme Rakola o bone go le botoka go ikaega ka dikgono tse di nepagetseng tsa go ruta Setswana Puotlaleletso ya Ntlha. Pele a simolola ka thuto, o neela barutwana lemorago la diteng tsa thuto gore barutwana ba akanyetse kwa pele mabapi le se ba ka se solofelang mo thutong. Fa a tsweletse a ruta, o eta a ema a botsa fa barutwana ba tlhaloganya, ba ba sa tlhaloganyeng ba tsholetsa matsogo mme a boeletse fa ba sa tlhaloganyeng gona. Morago ga foo, Mme Rakola o kgaoganya barutwana ka ditlhopha gore ba buisane ka ga se a ntseng a ba ruta ka sona. Morago ga go buisana o ba neela tšhono ya go tlhagisa dikakanyo tsa bona.  Kwa bofelong morutabana o neela barutwana asaenemente e e ka dirwang go tswa mo go se a sa tswang go buisana le bona ka sona go bona fa ba tlhaloganya.   


2.1.	Buisa temana e e fa tlase mme morago o be o araba dipotso tse di tlaa latelang.

 

[Se nopotswe go tswa mo go: https://www.bing.com/images/]

a.    Go ya ka temana e e fa godimo, o akanya gore ke kgono efe e mme

     rakola a e tsentseng tirisong mo phaposing ya gagwe?

     Tlhalosa o ikaegile ka temana. (2)

b.    Kgono e o e kaileng fa godingwana mo go ‘a’ e botlhokwa go le kana

     kang mo barutwaneng ba Setswana Puotlaleletso ya Ntlha? Neela dintlha

     di le tharo. (3)

c.    Fa o lebile setswantsho se se fa godimo sa phaposi ya ga Mme Rakola, a o

     bona gona le tekatekano ya go bua mo phaposing magareng ga morutabana

     le barutabana kana morutabana o bua a le nosi fela? (2)    

d.    Tshegetsa karabo e o e neetseng mo go ‘c’, goreng o nagana gore gona le

     tekatekano ya go bua mo phaposing? Neela dintlha di le tharo o ikaegile ka

      setshwantsho.         (3)

e.    Anaanela ka ga dintlha tse di latelang tsa tekatlhaloganyo ya theetso mme o

     ikaegile ka setshwantsho le temana e e fa godimo.

(i)     Ditirwana tsa pele ga theetso mo phaposing   (5)

(ii)    Ditirwana tsa nako ya theetso mo phaposing   (5)

(iii)   Ditirwana tsa morago ga theetso mo phaposing  (5)




      
 
Copyright © SantsLMS 2024